Noka ya Okavango

(This page's format needs to be reviewed. You can help by it.)

Okavangopapiro2.jpg

Noka ya Okavango ke noka ee mo borwa bophirima jwa Aferika. Ke noka ya bone ee tona mo bogareng jwa borwa botlhaba jwa Aferika, e elelela kwa borwa botlhaba 1,600 km (990 mi). E simolola moAngola, kwa e itsegeng e le noka ya Cubango. Fa pejana mo borwa e aga bontlha bongwe jwa molelwane wa Namibia, gape e bo e elelela mo Botswana, le go tshologela kwa lefelong la diphologolo la Moremi.

Pele fa e tsena mo Botswana, noka e wela selekalekanyo sa 4 m, go kgabaganya selekanyo sa dikhilomethara di le 1.2 tsa bophara jwa noka, mo maphothophothong aa latelanag a Popa, a bonala fa noka e nale selekanyo sa metsi se se kwa tlase, jaaka noko ya komelelo.[1]

Go ntshetsa ntlheng ya moteng ga beisene, makgobokgobo ga a na kgwelo kwa lewatleng. Mo boemong jwa se, e kgwela kwa morageng wa sekaka sa Kalahari, se itsege ka leina la makgobokgobo a Okavango kgotsa Okavango Alluvial Fan. Ka paka ya pula e elelela kwa nokeng ya Boteti mme e re morago e tselegele kwa lefelong la Makgadikgadi le le rotloetsang kgolo ya lefelo ka paka ya dipula la makgobokgobo kwa lesome la makgolokgolo a dinonyane tsa Flamingo di kgobokanelang teng ka paka ya selemo.[2] Bontlha bongwe jwa go elela ga yone bo tlatsa lekadiba la Ngami. Go itsege ka dilo tsa tlholego, noka ya Okavango e nale lefolo la diphologolo la Moremi.

Kgotlhang ya metsi

Mafatshe a Namibia le Botswana a nale tlwaelo ya leuba mme gape ka ditlamorago tse, go ntse go nale matshwenyego ka ga dikgotlhang tse di ka tlhagogang ka go dirisiwa ga metsi a noka. Namibia e agile motswedi wa metsi, wa selekanyo sa boleele jwa dikhilomethara tse makgolo a mararo,gape e ntshitse kgang ya go simolotse khutlola ya go aga kakana ee tsamaisang metsi ya boleele jwa selekanyo sa dikhilometha tse di makgolo a mabedi le masome a matlhano ee isang metsi go tswa nokeng go ya Namibia go fokotsa leuba.

Botswana, le fa go ntse jalo o dirisa makgobokgobo a Okavango go ngoka bajanala gammogo le go a dirisa e le motswedi wa metsi. Lephata la Water Affairs mo Botswana le tlhalositse gore 97% ya metsi e latlhega ka ntata ya kaologo, ka jalo lefatshe ga le kake la kgone go ka latlhegelwa ke bontlha bongwe jwa metsi.

Namibia, ka jalo, e tlhalositse gore e tla goga sepatlo sa metsi aa mo nokeng, gape le lebaganye le metsi aa elelang mo lefatsheng la bone. Go itebaganya le dikgang tsa go nna jalo,ka ngwaga wa 1994 Angola, Namibia le Botswana a dumalane ka mokwalo wa go simolodisa lekalana la Permanent Okavango River Basin Water Commission (OKACOM), go tlisa dikgakololo mo mafatsheng ka boraro ka ga ditsela tse di botoka tsa go dirisa didirisiwa tsa noka ya Okavango ka manontlhotlho.

Other Languages
Afrikaans: Okavangorivier
azərbaycanca: Okavanqo çayı
беларуская: Акаванга
беларуская (тарашкевіца)‎: Акаванга (рака)
български: Окаванго
brezhoneg: Okavango
bosanski: Okavango
català: Okavango
čeština: Okavango
Cymraeg: Afon Okavango
Deutsch: Okavango
Esperanto: Okavango
español: Okavango
eesti: Okavango
euskara: Okavango
français: Okavango
hrvatski: Okavango
magyar: Okavango
հայերեն: Օկավանգո
Bahasa Indonesia: Sungai Okavango
íslenska: Okavangofljót
italiano: Okavango
한국어: 오카방고강
lietuvių: Okavangas
македонски: Окаванго
Nederlands: Okavango
norsk: Okavango
occitan: Okavango
português: Rio Cubango
română: Okavango
саха тыла: Окаванго
srpskohrvatski / српскохрватски: Okavango
slovenčina: Okavango
slovenščina: Okavango
српски / srpski: Окаванго
svenska: Okavango
Kiswahili: Okavango
Türkçe: Okavango Nehri
українська: Окаванґо